MOKHUDUTHAMAGA MORWENG O ETELA MAGOGONG
MAGOGONG –
Mokhuduthamaga wa Pabalesego ya Baagi le botsamaisi jwa dipalangwa, Wessels Morweng, o tlhotse a etetse ba lelapa la mosetsanyana yo setopo sa gagwe se bonweng morago ga gore a nyelele.
Mosetsanyana wa dingwaga di le 11, o ne a begwa a timetse ka la 15 Diphalane 2024 mme setopo sa gagwe sa bonwa ka la 17 Diphalane.
Mo mafelong a a satswang go feta a beke, 20 Diphalane 2024, go ne ga tsoga dikhuduego kwa Modutung kwa Magogong, fa mosadi mongwe wa ngaka ya setso a ne a tlhaselwa ka a ne a latofatswa ka polao ya mosetsanyana yo o neng a nyeletse. Ntlo ya mosadi ene ya jewa ka molelo mme a tlhokafala. Ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a tswa dikgobalo tse di masisi.
Mokhuduthamaga Morweng o ne a etela le ba masika a mosadi wa ngaka ya setso yo o bolailweng ka go fisiwa kwa ga gagwe.
Mokhuduthamaga o ile a kaya fa puso e tlhobaeditswe ke ditiragalo tsa mofuta o tse di diragalang mo kgaolong e.
“Ka jalo re tsere tshwetso ya gore re epe pitso (Imbizo) go tlisa kagiso le tolamo le tirisano mmogo mo motsing”, mokhuduthamaga Morweng o kaile jalo.
O tsweletse ka go bega fa mapodise a tsweleditse dipatlisiso mo ditiragalong ka bobedi.
“Ke ikuela go morafe gore, o seke wa etsaetsega mme ba letle mapodise go dira tiro ya bone. Sepodise sa sedika le sa porofense ba samagane le morero o ebile, bangwe ba tlile go tshwarwa mo bogautshwaneng” Mokhuduthamaga o kaile jalo.
Lebenkele la mo motsing le ne la jewa ka molelo le go tseelwa dithoto.
Mapodise a dira dipatlisiso tse di akaretsang go itaya mo go masisi, go fisa ka molelo le polao
Ga go ope a yo o tshwerweng ga jaana.