TAUNG E TLILE GO TSHWARA IMBIZO MO BOGAUTSHWANENG
TAUNG – Masepala wa Taung wa re o amogela tshwetso ya gore go nne le “Imbizo” e e tlaa nnang ya go neela tshedimosetso ka borai jwa ditlolomolao le ka fa molao o dirang ka gone.
Se se boletswe ke mmusakgotla wa masepala wa selegae wa Taung, Keamogetse Moipolai, ka nako e a neng a patile mokhuduthamaga wa pabalesego ya baagi le botsamaisi jwa dijanaga kwa Magogong gompijeno.
Mmusakgotla Moipolai o kaile fa ditiragalo tsa go timely ga bana ba basetsanyana ele self modiro kwa kgaokong ya Magogong mme gantsi ba fitlhelwe ba tlhokafetse.
“Go nnile le tiragalo ya mofuta o mo ngwageng oo fetileng. Re dumela fa pitso e e bidiwang e tlaa Ruta le go sedimosetsa morafe ka mokgwa wa go efoga dithulano le go itseela molao mo mabogong.