September 11, 2025
IMG-20230608-WA0032

Alfred “Sello” Mogoa, o batliwa ke mapodise mabapi le dipetelelo tse di diragetseng magareng ga 2008 le 2009 kwa dikgaolong tsa Hebron, Klipgat, Loate, Akasia le Garankuwa

Mohau Maretele

TLOKWE – Mapodise a North West a batlana le monna wa dingwaga dile 42, Alfred “Sello” Mogoa.

O batliwa mabapi le metseletsele ya dipetelelo tse di diragetseng magareng ga 2008 le 2009 kwa Klipgat, Loate, Hebron, Akasia le Garankuwa.
O batliwa gape mabapi le go ngwega kwa kgolegelong ya Garankuwa ka 2019 le go utswa sejanaga kwa Klipgat ka 2013.
Yo a nang le tshedimosetso a.ka ikgolaganya le Kapotene Hein Rabe mo dinomoreng tse di latelang, 079 881 9923 kgotsa 018 299 7160. O ka bega gape o sa tlhagisi leina la gago mo, 08600 10111

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *