Masilonyana Kenny Selebalo le Mary Ntombi Mielies
BOBEDI BO TSHWARETSWE BOGODU JWA MADI A BANA BA SEKOLO
Mary Ntombi Milies (36) yo e neng ele motshwara-matlotlo wa kgotla tsamaiso ya sekolo, le Masilonyana Kenny Selebalo (55), yo o neng a dira jaaka “klereke” kwa sekolong se se potlana sa Thakadu, ba tlhotse ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya ga Magistrata wa Leeudoringstad gompijeno, ka ditatofatso tsa bogodu.
Bobedi bo latofatswa ka go utswa madi a dijo tsa bana ba sekolo sa Thakadu.
Ba lekala la sepodise la “the Hawks” go tswa Klerksdorp, ba ne ba ba tshwara mosong wa gompijeno morago ga dipatlisiso.
Moanamisamafoko wa bothati jwa bosekisi mo North West o boletse fa bobedi jo, bo ne bo neilwe maikarabelo a go tsaimaisa matlole a a neng a rebotswe ke lefapha la thuto la North West. Maikarabelo a bone ene ele gape go duela barebola-ditirelo (service providers) ba ba apeelang bana ba sekolo dijo.
Ka ngwaga wa 2023, mongwe wa barebola-ditirelo o ne a tsenya ngongorego ya gore ga aa duelwa madi a a feletseng morago ga go rekela sekolo dijo le dilwana tse dingwe.
Dipatlisiso di ne tsa senola gore, magareng ga 2021 le 2023, Mielies o ne a fetisetsa madi a a kana ka R350 000.00, go tswa mo bankeng ya sekolo go ya ko akhaotong ya gagwe ya banka. Mielies o ne gape a fetisa R174 000.00 go tswa akhaontong ya gagwe go ya ko akhaotong ya ga Selebalo.
Kgotlatshekelo e ba reboletse beile ya R5 000.00 mongwe le mongwe. Ba solofelwa go tlhagelela kwa kgotlatshekelokgaolo ka la 24 Ferikgong 2025. Ba lebanwe ke ditatofatso di le robedi tsa bogodu.