September 11, 2025

BOBEDI BO TSHWERWE KA DIRITIBATSI

DRYHARTS – Mapodise a Pudumoe a tshwere babelaelwa ba le babedi kwa kgaolong ya Lehatlheng kwa Dryharts, morago ga go ba fitlhela ka diritibatsi le dibetsa tse di farologaneng.

Moanamisamafoko wa mapodise a Norht West, Borikadiri Sabata Mokgwabone, o boleletse MORONGWA gore, mapodise a ne a phuruphutsha matlo a mabedi a a farologaneng ka Labotlhano 08 Ngwanaatsele 2024.

Kwa ntlong ya ntlha, mapodise a fitlhetse dipilisi tsa mandrax di le 100, diphuthelwana tsa crystal meth di le 72, tsa nyaope di le 80 le di le 145 tsa motekwane. Mapodise a fitlhetse gape madi a a kana ka R7 032.00 mo go mastens wa dingwaga di le 26. Madi ao go dumelwa ele a thekiso ya diritibatsi mme a gapilwe ke mapodise.

Kwa ntlong ya bobedi, mapodise a fitlhetse manathwana a mandrax a boleng jwa R2n500, kgetsana ee belegiwang e tsentse ditlhobolo di le pedi ka makasine, makasine o mongwe wa tlhobolo ya R5, marumo ya tlhobolo ya R5, le marumo a mangwe gape a a mefuta ee farologaneng. Go fitlhetswe gape le diradio tsa tlhaeletsano-pedi di le tharo.

Babelaelwa ka bobedi, monna wa 51 le mosadi wa 26, ba solofelwa go rotola matlho fa pele ga ga Magistrata wa Taung modikgetsing tse di farologaneng ka Mosupologo 11 Ngwanaatsele 2024

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *