September 11, 2025
Mothusi Dikwelana a na le dikgantshwane tsa gagwe tse di ileng tsa amogela paka ya go tshameka

Mothusi Dikwelana a na le dikgantshwane tsa gagwe tse di ileng tsa amogela paka ya go tshameka

Modise LobeLo

TAUNG – Moithaopi yo a direlang setshaba, Mothusi Dikwelana wa ko Taung, o ne bosheng jaana a rulagantse Metshameko ya kgwele ya dinao ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le botlhano. Dikwelana o boleletse MORONGWA gore, maikaelelo a metshameko e ke go ntsha bana mo ditiragalong tsa nnotagi le diritibatsi tse a reng di kwa godimo mo kgaolongya Taung. O tsweletse ka gore, o batla go bona Metshameko e e tshwarwa ngwaga le ngwaga mme di akaretsa bana ba basimane le ba basetsana.
Ba fenyi e nnile Sekolo se se potlana
sa Motlhamare mo metshamekong ya kgwele ya dinao le bolotloa. Maemo a bobedi ya nna Sekolo se se potlana sa Moitsiemang. Bafenyi ba gapile diaparo tsa setlhopha, sejana le kgwele ya dinao. Dikwelana o ikuetse go setshaba go ema nokeng basha mo maitekong a go ba aga.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *