September 11, 2025
table-talk setswana

Mo kgweding e ya serame, Tafole e sekaseka bo mosola jwa go itlotla jaaka motho yo o mo tshwaraganong le yo mongwe, kgotsa motho yo o mo botsalanong le ba babgwe. Sebui sengwe se kile sare; motho o tshwanelwa ke go  itlotla gore a tle a tlotliwe. Se se raya gore, fa o le motho o itlotla, go tsile go nna motlhofo gore ba ba go dikaganyeditseng, bao o tsamayang le bone, ba go boife mme ba go tlotle go sena lonyatso.

Fa mmadi wa kgapetlana e, a pegile go ikilela kwa go dimo mo botsalanong, nnyaya tlhe, ke dumela gore ke mongwe
yo padi e, e mo lebaganeng. Mo bontsing
jwa batho, tlotla e tsaya maemo a a kwa godimo. Ga gona ope yo o batlang go tshela ka go nyenyefadiwa, kgotsa a dirisiwa jaaka sekatana se se gatakiwang se se beilweng fa mojakong wa ntlo. Ka jalo, re dumela fa go tlotla yo mongwe yo le leng mo botsalanong le ene, e katswa e le kwa, mtirong, molekane
mo leratong, e le tsele e osi e e ka godisang
botsalano le tirisanyo e e itshekileng. Ga gona nnyaa kgotsa ee, go tlotlana, go botlhokwa thata mo go matlafatseng tsela e ditsala di e tsamayang. Se seka diragala bontle fa mongwe le mongwe yo o mo botsalanong a ka iteba ka seipone, mme a simolola go itlotla le go ithata, pele. Go botlhokwa gore, re le batho re ithute go reetsa ka keletlhoko fa ba bangwe ba bua. E, ke kgato ya ntlha e e ka fokotsang dikgotlhang tse di sa tlhokafaleng.

Mo godimo ga moo, re tshwanelwa ke go supa fa re tsaya tsia se yo mongwe a se buang. Go supa fa o rata, ga go reye gore motho ke seramatla. Netefatsa gore, o bontshe yo o mo botsalanong nae fa o mo rata, mme fa o ka lemoga fa go sena malebogo mo go se o se dirang, fa o lemoga fa mokaulengwe wa gago a sa rekegele maiteko le maikutlo a gago,
go botlhokwa go lemoga gore, maikelelo a
gagwe ke go utswa maatla a gago, Fa lorato le santse le le teng, mo lemose fa go tshameka ka maikutlo a gago go ka thuba kagisanyo e lo reng lo a e aga, mo go ka tshololang nkgwana ya tirisanyo mmogo.

Netefatsa gore, wa tsala o itsse se o se batlang le se o sa se batleng mo botshelong. Fa lotlhe lo itse mela e e sa tshwanelwang go tlolaganngwa, go nna motlhofo go tshedisanya sentle ka go tlotlana le ntswa go na le ba ba dumelang fa melao e dirilwe go rojwa. Mo botsalanong, se ke sekai sa go tlhoka go tlotla yo o tsalanang nae. Puisanyo e botlhokwa, le fa o ka lejwa jaaka yo o ratang leratla. Fa o lemoga fa yo o tsalanang nae a go tlhokela botho, ka tsela
efe fela, go botlhokwa go bua, go nne go
hupela ka mo pelong go ka go bakela makoa a pelo. Ee, ditsela di dintsi, tse motho a ka di ralalang go batla thuso, fa a sa bone tlotla e e motshwanetseng mo botsalanong kgotsa kwa tirong/ O ka bua le boeteledi pele, ba itshidilo maikutlo, mme boammaruri ke gore, fa o itlotla, o tla tlotlwa, mme fa mongwe a
go dira segotlholwa, fa o itlotla o tla itse fa
nako ya go gatela pele e gorogile.

Yvonne Lobelo

 

 

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *