October 26, 2025
IMG-20230318-WA0056

Modise Lobelo

 

TAUNG – Monna wa dingwaga dile masome a mane le bone(44), o tlhabilwe le go bolawa kwa Rooiwal, Taung, mo tshimologong ya kgwedi ya Mopitlwe. Go ya ka tshedimosetso ya mapodise, Phanuel Kgosiebonya o ne a ngangisana le mmelaelwa wa dingwaga dile masome a mabedi le bobedi (22), fa ba ne ba le kwa maitisong kwa lefelong le go rekisiwang nnotagi.
“Go ultwala fa bobedi bo ne jwa feletsa bo lwa. Kgosiebonya o ne a tshaba mme mmelaelwa a mo kobakoba. Kwa a mo tshwarang teng, o ile a mo feleletsa ka thipa mme a mmolaya”. Kapotene Sam Tselanyane, moanamisa mafoko wa mapodise mo North West, a kaela MORONGWA jalo.
Kapoteine Tselanyane a re mmelaelwa o ne a tshwarwa kwa lefelong la tiragalo. O boletse gore dipatlisiso tsa sepodise di tsweletse.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *