September 11, 2025
LOVUNGO O KOBA 17 GO BOLAYA MOKAPELO WA 17

Yvonne Lobelo

VRYBURG – Kgotla Tshekelo ya North West mo Vryburg, e atlholetse Lelani Lovungo wa dingwaga tse di masome a mararo, dingwaga di le lesome le bosupa mo ntlo lehitshwana morago fa a sena go bonwa molato wa polao.
Dipego di supa fa erile ka ngwaga wa 2021, kwa Colridge mo Vryburg, molatofadiwa a ile a nna le tlhoka kutlwisisano le motswasetlhabelo yo e neng e le mokapelo wa gagwe, Karabo Makolonkwane, wa dingwaga tse di leseome le bosupa. Go ya ka dipego tsa babona tiragalo e, ntwa e e simolotse kwa maitisong a marekisetso a bojalo. Go begwa fa motswasetlhabelo a ile a tlogela molatofadiwa mme a re o tshabela kwa ga mmngwanaagwe.
Basupi ba boleletse lekgotla fa molatofadiwa a ne a sala motswasetlhabelo morago, mme a tswelela ka go mo photha ka mabole lefa batho ba leka go mo thibela.
Bobedi jo, bo ile ba goroga kwa lelapeng la ga mmangwane wa ga motswasetlhabelo, mme, motsadi a leka go tshereganya ka maswabi, a tlholega go emisa ntwa ya bobedi jo. Go bolelwa fa Lelani a ne a tswelela ka go keteka lekgarejwana le la gagwe ka mabole le go moraga ka ditlhako go fitlhelela a idibala. Ba lelapa ba ne ba leletsa ba thuso ka potlako ba erileng morago ba bolela fa motswasetlhabelo, a huraletse lefatshe le le ka kwano.
Ba lelapa ba ne ba ya go begela mapodise ka tiragalo e, mme ba sepodise ba bula kgetsi ya polao. Tshedimosetso ya ba lelapa le tirisanyo ya baagi ba Colridge e ne ya dira gore mapodise a kgone go tshwara molatofadiwa mme, a lelelwa ke ditshipi.
Lekgotla le ne la gana go neela Lovungo sebaka sa go emela tsheko a le kwa ntle ka ngwaga wa 2021, morago ga go tshwarwa, mme a patelesega go seka go fitlhela a atlholwa a ntse a le mo kgolegelong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *