September 11, 2025

Modise Lobelo

 

VRYBURG – Monna mongwe wa Colridge, wa dingwaga tse di… o leletswe ke ditshipi, morago ga go fitlhelwa ka diritibatsi.
Go ya ka pego ya Sepodise sa North west, mapodise a Vryburg a a neng a le mo letsholong le le bidiwang “Operation Vuthi Hawe”, ba ela tlhoko mmelaelwa mongwe wa monna yo o neng a belaetsa, kwa motsesetoropong wa Colridge.
“Mapodise a ne a mo phuruphutsha mme ba fitlhela a tshotse dipilisi tsa modiro wa mandrax dile lekgolo mo go ene. Mmelaelwa o ne a tshwarwa ka gangwe mme a phariwa ka tatofatso ya go tshola diritibatsi ese ka fa molaong. Diritibatsi tse ke tsa boleng jwa diranta tse di dikete tse di some a robedi (R80 000.00).
Mokomishinara wa sedika sa Dr Ruth Mompati, Borikadiri Tshenolo Otlotleng o akgotse mapodise ka tiro e ba e dirileng. “Mapodise a tsweletse ka go dira tiro ya bone go netefatsa gore bana ba babalesegile”, Brikabiri Otlotleng o boletse jalo.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *