September 11, 2025

Modise Lobelo

GANYESA – Daniel Mmoledi Marite, wa dingwaga tse di masome a mane le motso, o atlholetswe dingwaga di le tlhano mo ntlo lefitshwana, ke Magiseterata wa Ganyesa, ka ntlha ya go utswa madi a mokgatlho o eseng wa puso, o a neng a o eteletse pele..
Kgotlatshekelo e fitlheletse gore, ka ngwaga wa 2018, lefapha la Katlaatlelo-Loago, le ile la rebolela mokgatlho o eseng wa puso, matlole a a neng a tla thusa mokgatlho oo go ka atlegisa mananeo go tlhabolola matshelo a baagi.
Fa lefapha le tlhatlhoba dibuka tsa bone, ba lemoga fa Marite a ile a ngathola sekgwama se, mme a fetisetsa madi a a fetang diranta dile dikete dile lekgolo, mo “akhaotong ya gagwe ya banka. Ka nako eo, Marite ene e le modulasetilo wa mogatlho o o neng o abetswe madi ao.
Kgetsi kgatlhanong le Marite e ne ya batlisisiwa ke diHawks, mme Marite a tshwarwa. O tlhageletse kwa kgotlatshekelo magetho a le mmalwa go fitlhelwa a bonwa molato le go atlholwa.
Tlhogo ya DPCI, Maj-Gen Patrick Phoko, o akgotse botlhe ba ba netefaditseng gore molatofadiwa a tshwarwe le go atlholwa.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *