MOTLHANKELA MOGOLO WA RATLOU O TSHWERWE KE DIHAWKS
MAHIKENG – Phakane Moses Masukela, 43, o iphitlhetse a le mo dipharagobeng morago ga gore a iteke lesego ka go dira ditiro di le pedi ka nako ele nngwe.
Masuka e ne ele motlatsa Mokaedi kwa Statistics South Africa ko a neng a dira morwa o motona wa tiro eleng wa dipalopalo tse di tsitsibanyang mmele.
Ka la 05 Moranang 2024, Masukela o ne a bona fa tiro e a e dirang ele dinyana mme a simolola go dira gape jaaka motsamaise-mogolo wa dikgwebo tsa puso kwa masepaleng wa selegae wa Ratlou. Ga a ise nke a tlogele tiro kwa StatsSA.
Fa o santse o ipotsa gore o ne a kgona jang go nna kwa tirong tse pedi ka nako ele nngwe, o ne a dirisa lekwalo la maitoko la ngaka mme a kgona go amogela megolo ele mebedi eleng wa StasSA le wa Ratlou Local Municipality.
Matlhajana a ga aa ka a modirela nako e e telele.
O ne a tshwarwa mosong ono ke ba lekala la sepodise la diHawks, le go tlhagelela kwa otlatshekelo ya ga Magistrata wa Mmabatho.
Kgetsi ya gagwe e sutiseditswe kwa kgotlatshekelo e e dirang ka bosinyi jwa tsa kgwebo jo bo rulagantsweng.
Masukela o reboletswe tetla ya go leta tsheko a le kwa gae ya R1000.
Kgetsi e tlaa reediwa ka la 24 Tlhakole 2025 kwa kgotlatshekelo ya kgaolo ya Molopo fa a tlaabo a lebanwe ke ditatofatso di le pedi tsa bonweenwee kgotsa tsa bogodu.