September 11, 2025

MOTLHANGKELA WA LEFAPHA O GOLOTSWE KA “BEILE”

SCHWEIZER-RENEKE – Monna wa dingwaga di le 38, o golotswe go ya go emela tsheko ale kwa gae, morago ga go latofatswa ka pipamolomo.
Matthews Kujane, yo a dirang jaaka motlhankela wa merero ya badiri kwa lefapheng la Thuto mo North West, o ne a tswa ka beile ya R1000.00 fa a sena go tlhagelela kwa kgotlatshekelo ya ga Magistrata wa Schweizer-Reneke ka Labone, 07 Ngwanaatsele 2024.
O ne a tshwarwa ka Labobedi kwa Schweizer-Reneke.

Moanamisamafoko wa mapodise a North West, Borikadiri Sabata Mokgwaabone, are go ya ka tshedimosetso, Kujane o ne a leletsa morutabana mongwe yo o neng a levanwe ke molato wa maitsholo a a sa siamang kwa tirong ya gagwe.

Kujane o ne a bolelela morutabana gore, a mo neye madi gore a tle a nyeletse molato kgatlhanong le ene.
Morutabana o ne a neela Kujane R5000.
Morago o ne a ya go bega kwa mapodiseng gore Kujane o mo batlile pipamolomo ebile o e tshotse.
Mapodise a ne a baya Kujane leitlho.

O ne a tshwarwa ka Labobedi morago ga go thaya borai.
Kurane o tlaa tlhagelela gape kwa kgotlatshekelo ka Laboraro 11 Sedimonthole 2024

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *