
Oupa Mokgakala ke motaki wa tlhwatlhwa go tswa kwa Taung, ke mokwadi, mmoki ebile ke Morutabana. O bolela fa teme ya Setswana e a e buang ka botswapelo e le mpho e a e tsereng mo go rre motsadi wa gagwe
Modise Lobelo
SCHWEIZER-RENEKE – Ke mokwadi, mmoki, morutabana ka dithuto, ebile o mo motlhaleng wa go fetola matshelo a ma-Afrika Borwa ka neo ya gagwe. Fa, re bua ka motaki yo o
tsweletseng pele go ikagela leina mo profenseng ya Bokone Bophirima le go ralala Afrika Borwa, eleng Oupa Mokgakala.
Mokgakala o tsholetswe mo lelapeng la sekereste ka ko dipolaseng tse di gaufi le
torotswana ya Schweizer Reneke mme, a golela kwa motseng wa Molelema, gaufi le
Taung. O godile e le motho yo o ratang go buisa dibuka thata, tsa puo ya Setswana. Se ke lone lebaka le le ribolotseng neo ya gagwe ya go kwala dibuka, mme a simolola ka dingwaga tsa magareng ga 1993 le 1994.
Mo puisanong le Rre Mokgakala, MORONGWA o lemogile gore Rre Mokgakala ke motho yo o tlhaloganyang puo ya Setswana mo go tseneletseng. Bontsi jwa dibuka tse a di kwadileng, di kwadilwe ka Setswana. Mokgakala o tlhalositse gore anyile puo ya gagwe ka botlalo mo go rre wa gagwe yo eneng ele moruti. “Ko gae ga gona ope yo eneng e le mokwadi, ke hela gore rre wame ene ele moruti a itsi puo ya Setswana thata.
Rre e ne ele sebui se se tlhwatlhwa. Gongwe ke anyile puo go tloga foo, mme nna ka e tsaya ka e isa mo dikwalong.”Go fitlheng ga jaana, Mokgakala o setse a golotse dibuka di le tharo tsa Setswana le CD ele nngwe e e bidiwang ‘Voice From The Village‘ ee kopantseng maboko a Setswana le seesemane. Mokgakala o kaile gore se ke katlego e tonna thata mo go ene.
O solofetse go golola CD ya bobedi mo ngwageng ono.
Buka ya gagwe ya ntlha e e bidiwang ‘Nka Se Didimale‘ e golotswe ka ngwaga wa 2013, yone ke ya maboko a le masome a mararo le borataro(36). A re o dumela gore go gololwa ga buka e, ene ele moputso wa gagwe go tswa ko Modimong jaaka ele motho yo o dirang ka natla.Ka ngwaga wa 2016 o ile a golola buka e nngwe ya maboko a le masome a mane (40)- ‘Ntlogeleng Ke Gagautlege‘. Mo bukeng ya boraro e e golotsweng mo kgweding ya Mopitlwe 2023 ee bidiwang ‘Fa Ngwedi O Ka Bua‘, go dikgangkhutswe tsa Setswana di le lesome. Ka yone o tshepisa babadi monate wa puo, molaetsa le dikgang tsa go tshegisa le go utlwisa botlhoko.Tshosometso ya ga Oupa Mokgakala mo go tsa botaki, ke ee tseneletseng mo gomakatsang, jaaka gone jaanong ele mogakolodi mo go tsa botaki ko sedikeng se se potlana sa Greater Taung. Tiro ya gagwe ke go tlhatlhelela barutabana ka tsa setso le botaki. Kwa ntle ga tiro eo, Mokgakala ke karolo ya ditlhopa tse di buisang dibuka koTaung, Pampierstaad le Jan Kempdorp, kwa a tlhatlhelelang basha le go nosetsa dineo tsa bone tsa go buisa, gongwe le go kwala.Nngwe ya dikatlego tse a ipelang ka tsone thata ke karolo e a e tshamekileng mo baboking ba le babedi ba ba atlegileng kwa Taung eleng Mosimanegape Jason, yo o kileng a a boka mopresidente Cyril Ramaphosa ka ngwaga wa 2022 ko Cape Town, ga mmogo le Mpho Jabane, yo eleng mokwadi wa dibuka tsa seesemane.
“Go thatanyana go phasalatsa fa o sena batho ba ba go itseng le ba o ba itseng. Ke
tshwere bothata jo bo tonna fa ke ne ke simolola go phasalatsa buka yaka ya ntlha ka gore, baetletsi ba madi ba ngodiega go thusa batho ba ba sa ba itseng”, e ke nngwe ya dikgwetlho tse Mokgakala a di tlhagisitseng tse a kopaneng le tsone mo loetong la gagwe la bokwadi. Le fa go le dikgwetlho,o santse a rotloetsa basha go bala dibuka.
“Go botlhokwa gore re rotloetse basha ko dikolong le ka kakaretso mo metseng ya rona go tsaya dibuka ba bala. Tsaya buka nngwe le nngwe fela o buise, o ka bega sengwe ka fa gare se se ka fetolang botshelo jwa gago ka gore diphiri tse dintsi di iphitlhile mo go buiseng.”