
Mopalamente wa pele wa ANC yo a latlhetsweng kwa kgolegelong, o ne a amogela R86 120.00 ka kgwedi kgotsa go feta R1 000 000.00 ka ngwaga
Modise Lobelo
SCHWEIZER-RENEKE – Morago ga pego ya MORONGWA e e kaileng fa mopalamente wa pele wa ANC a atlholetswe dingwaga dile tharo kwa kgolegelong, kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le robedi, monongwaga , re ile ra amogela dipotsiso dile dintsi, tsa gore mopalamente yoo ke mang. Veronica Mapule Mafolo ene ele mopalamente wa African National Congress go tloga ka 2015 go fitlha ka 2019. Ka nako e a neng a tshwarelwa bogodu jwa leruo, ene ele mopalamente wa ANC go tswa kwa sedikeng sa Dr Ruth Mompati. Mafolo ene ele mongwe wa mapalamente ba ba neng ba bona mogolo wa go feta R1 000 000.00 ka ngwaga kgotsa, R86 120.00 ka kgwedi.
Mongwageng wa 2016, e ne ele karolo ya komiti ya diminerale le meepo. O tsenetse dikopano dile 23 go tswa go dile 35.Ka 2017 o tsenetse dikopano tsa palamente dile 21 go tswa go dile 35. Kgotlatshekelo-kgaolo ya Schweizer-Reneke, e ne ya molatlhela go ya kwa ntlolefitshwana sebaka sa dingwaga dile tharo, morago ga gore Veronica Mapule Mafolo (48) le Thabo Freddy Phuthiyagae (36), ba bonwe molato wa bogodu jwa leruo morago ga go tshwarwa ka dinamane dile pedi tsa di- Bonsmara ka ngwaga wa 2018. Ka nako eo, rapolasi wa kwa Schweizer-Reneke, o ne a lemoga motlhala wa dithaere tsa koloi kwa polasing ka 12 Ferikgong 2018. Go belaela, rapolasi o ne a bala leruo la gagwe mme a lemoga fa go tlhaela ka dinamane tse pedi. Kgang ene ya begwa kwa mapodising. Mo tsamaong ya letsatsi, rapolasi o ne a bilediwa kwa masakeng a palobalo kwa Vryburg (Vryburg Auction Kraal), ko a ileng a supa dinamane tsa gagwe. Bopaki jo bo rebotsweng kwa kgotlatshekelo, bo bontshitse fa Mafolo a ne a kopa rapolasi gore a seke a bula kgetsi gonne a ka senyega leina jaaka ele mopalamente. Motshotshisi Mpho Sephapo, o ne a gwetla kgotlatshekelo go neela sekobo se se ka isang ka kgolegelong. Magistrata Paul Moeng, o ne a dumalana le motshotshisi mme a kaya fa tiro ya bobedi jo, e tlhotlheleditswe ke bogagapa. Magistrata o ne a kaya fa bogodu jwa leruo bo ama kgwebo ya borapolasi ebile e senya le ditiro tsa badiri ba dipolasi.