September 10, 2025

GANYESA – Banna ba le bararo ba tlhotse ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo ya ga Magistrata wa Ganyesa gompieno mabapi le kgothoso ya lepodise.

Konstabole Eric Tekolo o ne a bonwa a rapaletse mo mmileng kwa kgaolong ya Phohung kwa Ganyesa bosigong jwa Labotlhano 04 Moranang 2025 fa a ne a ya gae go tswa tirong.

Mokhuduthamaga Wessels Morweng, ka nako e a neng a etetse balosika la Konstabole Tekolo  kwa hompieno.

Mokhuduthamaga Wessels Morweng ka nako e a neng a etetse balosika la ga Konstabole Tekolo gompieno

Konstabole Tekolo (41) o filhetswe a na le dintho tsa go tlhabiwa mme a tseelwa kwa bookeleong.

O ne a tlhokafala moragonyana ka ntlha ya dikgobalo.

Moanamisamafoko wa sepodise mo North West, Kapotene Mpho Manyoba, o itsesitse MORONGWA gore, Kunene Karabo( 25 ) Sebolai Taolo(23) le Setlhabetsi Boikanyo (19), ba ne ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo mme kgetsi ya busediwa morago go fitlha 16 April 2025 fa ba tlaabo ba dira kopo ya go emela tsheko ba le kwa gae.

Kgabagare, Mokomishinara wa mapodise wa namaosatshwere mo North West, MoGenerala-Mogolo Patrick Asaneng, o rile go amega ga basha mo bosinying ke tlhobaboroko gonne basha ba dirisa diritibatsi le go nwa bojalwa phetelela.

“Loso la ga Konstabole Tekolo ke tatlhegelo go balosika ka Tekolo a ne a tlamela balosika la gagwe. Se ke kutlobotlhoko go balosika, ditsala le badirammogo nae”.

Generala Mogolo o tsweletse ka gore, polao e e setlhogo e, e bontsha fa setshaba se latlhegetswe ke botho ebile tirisoditkgoka e ile kwa godimo ka ntlha ya tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi.

Re sale foo, Mokhuduthamaga wa pabalesego ya baagi le botsamaisi jwa dipalangwa, Wessels Morweng, o tlhotse a etetse balosika la ga Kapotene Tekolo go ba tshedisa.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *