February 12, 2026
sa justice

Mosekisi wa pele Ronny Songwane (50) o atlholetswe dikgwedi di le robedi kwa kgolegelong kgotsa go duela R20 000 morago ga go bonwa molato wa bonweenwee ke kgotlatshekelo ya ga Magistrata wa Vryburg bekeng eno.

Songwane, yo pele e neng ele mosekisi kwa Vryburg, o ne a tshwarwa ka 2016 morago ga go tsaya madi a pipamolomo.
O ne a batla madi mo mosading yo o neng a tshwaretswe go bogodu jwa mo lebenkeleng, are o tlaa dira gore kgetsi e phimolwe.
Mosadi yo o ne a duela Songwane R600 ka letsatsi la ntlha la tsheko mme a solofetsa go duela R400 e e setseng ka letsatsi le a tlaa tlhagelelang gape kwa kgotlatshekelo.
Moanamisamafoko wa lekala la diHawks, Leftenente- Kolonele Tinyiko Mathebula o boleletse MORONGWA gore mosadi yoo o ne a itsise diHawks ka kgang eno. Songwane o ne a beelwa serai le go tshwarwa ka nako e a neng a amogela R400 go tswa go mosadi yo.
Songwane o ntse a golotswe ka beile fa kgetsi e ntse e seka go fitlha a atlholwa.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *