Yvonne Lobelo
Mme o ne a tle a re a hupile tedu a ntheye are” ngwanaka o tla ja ma… a balekane ba gago!” Mafoko a, a ile a aga mosako pelong yame. Ke dumela gore, ke one a ntirileng se ke leng sone gompieno. E ne etle ere ke akanya; ke tlhatswetsa molekane wame diaparo, ke mo apeela, ebe ke tlhatswa dijana tsa gagwe, go tsene phefo ya mariga mo tlhaloganyong yame.
Mafoko a, a ntlhabile thata ke sa le monana. Mosadimogolo, ka go ntshepa le go nkitse, o ne a leka go ntshedimosetsa isago e keneng ke ipetlela fa kene ke ka tswelela ka go letlelela gore monate wa lefatshe o tle pele ga tiro yame ya sekolo. Ke ile ka ema ka dinao nna mosetsanyana wa mokgatla, ka ititaya sehubanyana same, ka ipheleletsa mo dibukeng. Ke gakologelwa sentle gore ka nako eo, ke ne ka bediwa mainaina, bo “book worm”, le tsotlhe tse o ka di akanyang.
Go nna “bookworm” game, go ne ga nthusa go itebaganya le dithuto le fa morororo ke ile ka wa golo gongwe mo tseleng ya botshelo. Mme kana fa motho awa, fa o ka utlwa babalelwa ke makgwarapa le mesetlho e o wetseng mo go yone, gotswa mo go wena gore o emelele ka dinao, o itlhotlhore o tsene mo tseleng o gatele pele, kana jang?. Bontsi jwa rona re dirile jalo. Se, ke sekai sa gore, mo botshelong, ga gona ope yo a sa nkeng a dira diphoso, se o tshwanelwang ke go se dira ke go amogela phoso ya gago, mme o ipaakanye o simolole sesa.
Fa ke ne ke le monana, ke ile ka reetsa batsadi ba bua le nna. Ga ke ipoke. Nnyaya tlhe, e ne e se gore ke ne ke batla go itira “good girl” Go tsaya tshwetso go agela lesako, mafoko otlhe a ke neng ke a neelwa ke go lemoga, fa ba ne ba buisiwa ke lorato, ka ba fetile ka botshelo pele game. Ke ne ke le lesego gonne, ere ntswa, batsadi bame ka bobedi ba ne ba sa tsena sekolo, ba ne ba sa fele mathe mo ganong go re bolelelela tsatsi le letsatsi ka botlhokwa le mosola wa thuto. “ Thuto ke seikokotlelo go itebaganya le dikgwetlho tsa botshelo. O ka tswa o bopegile o le bontle jwa sethunya, ka mmele wa botlolo, fela fa o sena thuto, ga o kake wa kgona mesima e, ya botshelo.” Rre o ne a kaya jalo.
Bo ngwanaka, thuto e ka lo neela maatla a go rarabolola masaitsweweng a botshelo, Fa o tsene sekolo, o seditse boboko jwa gago sentle, ga go kitla go nna motlhofo gore o gogiwe ka nko ke balekane ba gago. Ee, kana go monate jang, go ema fa pele ga batho go kgona go ba bontsha gore, wena o ka ikakanyetsa, ga o wele fela le mogosho.
Fa o batla bokamoso jo bo matobetobe, jo bo iketlileng, tlhoa tsebe, ga kere khumo, go nne khumo e a itirelwa. Kare botshelo jo bo thokgameng, aramela kgalalelo ya thuto pele ga monate. Ga go ope yo o ka tsayang thuto ya gago mo go wena. Thuto e ka go bulela ditsela. Gore o dirang ka yone, gotswa mo go wena. Ntleng le gore, o ka itirela, wa nna le dikgwebo tse di ka phadisanang le tsa baditshaba, wa nna le madi a o ka a lorang, thuto e tsisa pharologanyo mo gare ga yo o iteilweng mo seatleng le yo o tlhophileng go e naya mokwatla.
Bo ammaruri ke gore, morutegi o itse go bua le ba bangwe, e tsisa seriti, o nna le tsone ditshono tse dintsi tsa go kgotlhelela mo botshelong, o kgona go akanya ka bo wena, ga o gogwe fela ka nko, o kgona le gone go itse gore o ka tshela le babangwe jang. Ee, thuto e dira gore o itlhaloganye ebile o tlhaloganye o be o tlotle dipuo le dingwao tsa ba bangwe, go apara sentle. E go neela maatla a kitso ya lefatshe, ebile monate wa yone ke gore, ga e fele, o ka tswelela ka go ithuta le fa o godile. Ka jalo Tafole gompieno e kopa basha botlhe go itlhophela thuto pele ga monate.
