April 24, 2026
From the High Court to the Constitutional Court - Thabo Appolus led the fight to set aside an irregular appointment as Municipal Manager.

Mosekaphofu - Thabo Appolus o ile a senola fa Segapo a sa thapiwa go ya ka molao wa tsamaiso ya dimasepala

JOHANNESBURG – Kgotlatshekelo ya molaotheo ya Aforika Borwa e sweditse ka gore, ga e kitla e reetsa boikuelo kwa masepala wa Naledi. Masepala o ne o ikuela mo kgetsing e e neng ya atlholwa ke Kgotlatshekelokgolo ya North West gore, motsamaisi wa pele wa masepala o ne a sa thapiwa go ya ka fa molaong.
Mo katlholong le taelo ya kgotlatshekelo e e rebotsweng gompieno 06 Mopitlwe 2026, (Naledi Municipality & others vs Thabo Appolus and others) kgotlatshekelo ya Molaotheo e ganne go reetsa boikuelo jwa masepala jaaka a ne a ikuela kgatlhanong le katlholo ya Kgotlatshekelo ya boikuelo ya Ngwanaatsele 2025.

Kgotlang e ne ya simologa fa Modisenyane Segapo as ne a thapiwa jaaka motsamaisi wa masepala wa Naledi ka Mopitlwe 2023. Appolus led balekgotla ba bangwe ba ne ba gwetla go thapiwa ga ga Segapo ba kaya fa go sa latelelwa molao wa tsamaiso ya dimasepala (Municipal Systems Act:2000)

Appolus o ne a kaya fa kopano ya lekgotla ya 10 Mopitlwe 2023 e ne e sa latela tsamaiso e e beilweng ya dikopano tsa lekgotla le gore, Segapo ga a netefadiwa go bona gore a o nale ditlhokokego go nna motsamaisi wa masepala. Ntlha e nngwe ene ele gore, Mokhuduthamaga wa dipusoselegae o ne a sa ikamaganye le go thapiwa ga ga Segapo.

Kgotlatshekelo-kgaolo ya North West e ne ya kgaphelathoko go thapiwa ga ga Segapo ka ka 2023 le go laela gore, masepala a simolole bosha letsholo la go thapa motsamaisi wa masepala.
Masepala o ne a isa morero ono kwa kgotlatshekelo ya boikuelo mme ba latlhegelwa ke kgetsi ka Ngwanaatsele 2025. Ka nako eo, Molekgotla wa lekgotla la Naledi Cllr. PGC Gulane, Meiyara Cllr.C.J Groep le Segapo, ba ne ba laelwa ke Kgotlatshekelo ya boikuelo go duelela dithshenyegelo tsa semolao go tswa mo dikgetsing tsa bone.
Kgotlatshekelokgolo e ne ya kaya fa boikuelo joo bone bo sena boleng.

Mmusakgotla Gulane, Meiyara Groep le Segapo ba laetswe go duela ditshenyegelo tsa semolao tsa kgotlatshekelo morago ga gomlatlhegelwa ke kgetsi gompieno.

Segapo o me a tswelela go kokomala setilo sa botsamaise go fitlhela a latlhegelwa kwa kgotlatshekelo ya boikuelo.
Kgotlatshekelo ya molaotheo e kaile fa boikuelo bo bui sepe se sesha ebile boikuelo joo bosa thuse tshiamiso ka sepe go ka reediwa.

Gulane, Groep le Segapo ba laetswe gape go duelela ditshenyegelo tsa semolao tsa kgotlatshekelo go tswa mo dikgetsing tsa bone. Boraro joo bo neetswe tshono gape (e e lekanyeditsweng) ya go ikarabela ka mokgwa wa lekwalo la maikano.

Masepala o setse o simolotse ka go thapa motsamaise wa masepala (le go tlatsa diphatlha-tiro tse dingwe). Phatlha-tiro ene ya phasaladiwa mo ngwageng o o fetileng mme ya tswalelwa ka Ferikgong 2026. Motsamaise wa masepala o amogela R1 497 499 (go akaretsa gotlhe).
Masepala ga o ise o rebole kitsiso epe mabapi le tshwetso ya sesheng ya kgotlatshekelo ya molaotheo.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Verified by ExactMetrics