MOKGOKGONTSHI O LATLHETSWE KGOLEGELONG
MMABATHO – Kgotlatshekelo-kgaolo ya Mmabatho e latlhetse Oratile Nkupane (24) wa kwa Mmakgori, kwa kgolegelong dingwaga di le thataro ka ntlha ya go itaya ka maikaelelo a go gobatsa.
Tse nne tsa tsone di beetswe thoko sebaka sa dibgwaga di le tlhano mme mo nakong eo, ga aa tshwanelw ke go tshwarelwa molato o o tshwanang le oo.
Nkupane o ne a atlholelwa sekobo se se tshwanang le seo mo dikgetsing tse dingwe gape tse pedi ebong ya go senya dithoto le ya go tlola molawana wa taelo ya tshireletso.
Kgotlatsheelokgaolo ene ya utlwa ka fa Nkupane a neng a kgokgontsha bana le bagolo ka teng.
Ka ngwaga wa 2024, Nkapane o ne tlhasela le go itaya monnamogolo w dingwaga di le 65 ka tshipi ntle le go rumulwa. Nkupane o ne a fitlhela monnamogolo kwa ntlong ya baagisanyi mme a simolola go mo tlhapaola. Fa monnamogolo a botsa ore matsapa di a tsaya kae Nkupane o ne a tlhasela monnamogolo ka go mo itaya ka tshipi go fitlha a idibala. Morago ga tlhaselo, Nkupane o ne a lebotsa phokoje a tlogela monnamogolo a rapaletse fa fatshe.
Mo tiragalong e nngwe, ka 25 Tlhakole 2024, Nkupane o ne a latela mosadi wa mo ngongoregi mme a mo itaya le ntse go na le taelo ya tshireletsego kgatlhanong nae e e neng e mo thibela go ya kwa egaeng la mongongoregi.
Nkupane o ne a tshwarwa ka 27 Tlhakole 2024 mme a gololwa ka beile.
O ne a tshwarwa gape ka tatofatso ya go senya dithoto le go fisa motlaagana wa motswasetlhabelo mongwe.
Kgotlatshekelo-kgaolo e laetse gape gore, Nkupane ga a itekanela go ka nna le tlhobolo.

