
Mokwaledi wa nakwana wa mohama wa bomme wa ANC Mo Porofenseng ya NW, Mme Bitsa Lenkopane le Mokwaledi wa mohama wa Basha wa Lekoko le, kwa LekwavTemane,Johnny Pitso Branch Mme Tshikello Kgwele, ba kgadile ka bogale tshwetso ya go kganela Cllr Kgabo go tsena phuthego ya Council mo Naledi, bosheng
Modise Lobelo
VRYBURG – Molekgotla yo o emetseng African National Congress ko Masepaleng wa sedika sa Dr Ruth Segomotsi Mompati, Cllr. Gaolatlhe Kgabo, o ne a lelekwa le go thibelwa go nna karolo ya bokopano jwa semmuso jwa lekgotla la sedika bosheng jaana. Kopano e, ene e tsenetse kwa Ntlolehalhala ya Masepala wa Naledi mo Vryburg. Dipego tse di neng tsa goroga mo tsebeng ya MORONGWA di ne di kaya fa Cllr. Kgabo a ne a thibelwa ke badiri ba tshireletso ba Masepala wa Naledi le ba setlamo sa porafete sa Diphetogo go tsena kokoano e. Mo setshwantshong sa motshikinyego se se neng sa tlalatlala mo boranyaneng jwa tlhaeletsano, batlhankela ba tshireletso ba bonala ba thibela Cllr. Kgabo le go tshwara ngangisano, fa Kgabo a ne a leka go ya go tsaya manno a gagwe jaaka molekgotla. Kwa bofelong jwa setshwantsho se, go supiwa batlhankela ba tshireletso ba potapotile molekgotla Kgabo mme mo pateleditsa go tswela kwa ntle.
Mokgatlho wa bo Mme wa ANC (Women’s League) o kgadile tiragalo e mme ba supa fa , e le matlhabisaditlhong ebile e goga leina la ANC mo seretseng. Mokwaledi wa Nama – o-sa tshwere wa ANC WL, Bitsa Lenkopane, o boletse fa Kgabo e le morongwa wa ANC kwa masepaleng wa sedika. “ANC e tshwanetse go mo thusa fela jaaka e ka thusa ba romiwa ba yone fa ba kgokgontshiwa.” Lenkopane o kaile jalo.
Lenkopane arefa esale go tlhongwa kgotla ya sedika sa Dr RSM, Cllr. Kgabo o ntse a lebanwe ke go tlhabisiwa ditlhong ke bakaulengwe ba gagwe ba ANC, fa ba ne ba inyalana le makokokganetso mme ba gana go tsaya ditaelo tsa ANC tsa gore Kgabo a tlhopiwe jaaka Meyara wa sedika.
O tsweletse ka gore, “ANC WL ga ikitla e letla gore mosha a tsholwe makgwakgwa etswa a emetse mokgatlho.”
Re sale foo, lekoko la basha la ANC kwa Lekwa-Teemane le lone le kgadile ka bogale tiragalo e. “Re etse tlhoko gore ANC le Youth League mo Dr RSM, ba itshetse moriti o tsididi mme go didimala ga bone go supa sentle fa ba ntse ba le karolo ya balekgotla ba ANC ba ba neelang EFF thata ya go busa masepala wa Dr RSM. ANC IRC e reteletswe ke go tsaya kgato kgatlhanong le balekgotla ba ba ganang go tsaya ditaelo tsa mokgatlho”. Youth League e kaile jalo.
YL yare, Molaola dipuisano tsa Lekgotla la Dr RSM, Cllr Kgalalelo Sereko, ga a na mosola ope mme ba ka fa Meyara Sense Maje, a ipeile jaaka Meyara wa sedika le gore, bobedi joo ga mmogo le motsamaisi wa masepala Collen Colane, ele bone ba epileng lemena la go ntsha Cllr. Kgabo mo setilong.