September 11, 2025

Mohau Maretele

IPELEGENG -MAMUSA Knights Basketball Academy ke setlhopa sa batshameki ba motshameko wa basketball go tswa kwa motseng wa Ipelegeng gaufi le Schweizer Reneke. Setlhopa se, se ribolotswe ka ngwaga wa 1998, mme sa kwadisiwa semmuso mo ngwageng ono wa 2022, jaaka setlamo se se sa direng letseno, sa NPC.
Motsamaisi mogolo wa setlhopa ebile gape ele mokatisi, Rre Neo Modisagae o boleletse lekwalo dikgang la MORONGWA gore; maitlhomo magolo a bone ke go tsweletsa serodumo sa motshameko wa basketball mo profenseng ya Bokone Bophirima. O tlhagisitse gape gore maikaelelo ke go samagana le kgwetlho e tona e tsweletseng go nna tlhoba-boroko mo basheng e leng, tiriso ee botlhaswa ya diritibatsi le nnotagi.
Botsamaisi bo agegile jaana: Neo Modisagae ke ene Motsamaisi le mokatisi-mogolo, fa setilo sa Motsamaisi le Mokatisi se pagangwe ke Tshiamo Ramatshwele, le Onalenna Masilo. Bonang Koki o goga mogala wa Molaodi le mokatisi wa setegeniki fa Ponalo Matshidiso ene, e le Molaodi le mokatisi wa itekanelo mme tlhoro ya Motsamaisi Kakaretso e rwelwe ke Rethabile Mokwena.
Setlhopa se gone jaanong, se adimilwe ntlo-lehalahala ya boitapoloso la Ipelegeng go ikatisa. Ba ikatisa malatsi a le mabedi mo bekeng; Mosupologo le Labone.
Mamusa Knights Basketball Academy e kgaogantswe ka dikarolo di le pedi tsa batshameki. Go nale batshameki ba ba botlana ba dingwaga tse di magareng ga lesome le motso go ya go tse di lesome le botlhano. Batshameki ba ba golwane ke ba dingwaga tse di mo magareng ga lesome le borataro le masome a mabedi le botlhano.
Mokatisi wa setlhopa se se potlana, Rre Tshiamo Ramatshwele a re toro ya bone ke go bona ba nale didiriswa tsa bone le lebala la go ikatisa. A re ba rulagantse metseletsele ya bolotloa mo kgweding ya Sedimonthole fa e tlaabe e tlhola malatsi a le lesome le borataro (16). “Re ikaelela go dirisa metshameko e, go kokoanya matlole le go ngoka baetletsi. Re eletsa go bona setlhopa sa rona ele se se popota go tswa mo sedikeng sa Dr Ruth Segomotsi Mompati.” Ramatshwele o kaile jalo.
Mamusa Knights Basketball Academy ba fitlhelwa mo Facebook ka lone leina le.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *