
Advocate Rachel Makhari- Sekgaolele a na le bothati jwa Bosekise, ba bolela fa ba sena kgetsi e ba e batlidisang mabapi le go beeletsa madi kwa VBS ke Masepala wa DrRuth
MAHIKENG – Bothati jwa bosetshaba jwa bosekisi mo North West, NPA, jwa re ga bo ise bo bone pego epe ka dipatlisiso tsa peeletso ya madi kwa VBS ke masepala wa sedika wa Dr Ruth S.Mompati. Se se tlhageletse bosheng jaana fa NPA e ne e neela pegelo ka tiro ya bone mo porofenseng.
Fa ane a araba potso e e boditsweng ke MORONGWA, Molaodi wa lekala le le dirang ka tsa bosinyi jo bo kgethegileng le tshenyetso-setshaba Wessel van Biljon o rile, dikgetsi tsotlhe tsa VBS di tshwerwe kwa lefelong le le lengwe mme bone mo North West, ga ba ise ba tshware kgetsi epe ya VBS e e amang masepala wa sedika wa Dr RSM.
Mokaedi wa NPA mo North West, Adv. Rachel Makhari-Sekhaolelo, o ne a buisana le bobegakgang ka diphitlhelelo tsa bone mo North West. O ne a kaya fa tshenyetso setshaba e aname thata ebile e amile dikarolo di le dintsi mo setshabeng.
Adv. Makhari-Sekhaolelo o kaile fa ba ikemiseditse go tswelela ba sa tseye latlhakore le go batla tshiamelo. O ne a tswelela ka go supa fa ba gatile dikgato di le mmalwa go netefatsa katlego mo tirong ya bone. Adv Makhari-Sekhaolelo o supile fa tshwaragano le therisano le SAPS e matlafaditse mafapha a mabedi a.
NPA e boletse fa ba fitlheletse diperesente dile 87.3 tsa go sekisa dikgetsi tsa polaole peresente dile 80 tsa petelelo.