
Community Patrollers ba Vryburg ba tshwaragane le sepodise go lwantsha borukutlhi
Modise Lobelo
VRYBURG – Mapodise a tshegeditse segongwana sa dinokwane tse nne tse dintseng di tsentse lesukasuka ka kgothosa baagi ba Colourblock bosheng jaana.
Dilalome tse, tse di itsege ka maina a; Innocent Sithole wa dingwaga tsedi masome a mararo le botlhano(35), Vutomi Chauke wa dingwaga tse di masome a mararo le bone (34), Believe Chuma wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano (35), le Moses Chipwanga yo le ene a nang le dingwaga tse di masome a mararo le botlhano (35), Dirukutlhi tse, di latofatswa ka go kgothosa ka dikgoka ebile ba tlhometse ka sethunya.
Ba le babedi ba segongwana se, ebong Believe Chuma le Moses Chipwanga, ba ne ba latofatswa gape ka go kgothosa ba tlhometse ka sebetsa se eseng tlhobolo.
Pego ya mapodise e kaya fa segongwana se, se ne se tlhorontshitse baagi ba Colourblock, Vryburg, le mongwe le mongwe fela yo o dirisang tsela ya N14 gaufi le Colourblock.
Go supagala fa borankuranta ba, ba ne ba lepa ka batswasetlhabelo ka bokokuntshwane mme, ba ba sale morago go tswa mo toropong ya Vryburg. Go begwa fa ba ne ba tlhasela batswasetlhabelo pele ga ba ka tsena kwa malapeng a bone. Dipego di supa fa ba ne ba tumile ka go tsaya batswasetlhabelo, mme ba ba ise kwa tseleng e e tsenang ka Armoedvlakte ko ba fitlhang ba ba kgothosa gone.
Segongwana se, se tshwerwe mo tshimologong ya kgwedi ya sedimonthole ke mapodise ka tirisano mmogo le balwantsha borukutlhi ba Naledi Community Patrollers.
Mapodise a boleletse MORONGWA gore, ba santse ba batlisisa dikgetsi tse dingwe mme go na le kgonagalo ya gore, babelaelwa ba, ba phariwe ka melato e mengwe gape.
Kgotlatshekelo ya Vryburg e ne e rile thii! ka baagi le batswasetlhabelo ba baneng ba hupile tedu ba supa fa ba sa batle gore kgotlatshekelo e neele dinokwane tse, beile.
Kgetsi e buseditswe morago go fitlha ka Sedimonthole a tlhola malatsi a le lesome le boraro, 2022. Fela babelaelwa ba tlaa nama ba bala dikosene tsa ntlo lehitshwana.
Mo kgetsing e nngwe, mapodise a Vryburg, ba tshwere lekolwane la dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano(25), Rojas Moromebabe, yo ba mo latofatsang ka go thopa ka dikgoka le go kgothosa.