
BOKAMOSO Foundation mo Vryburg. ba tswelela ka go tlisa dithuto kwa baaging. Bosheng jaana ba ne ba tseneletse Thuto Seka-dipuisano le baagi ba Ward 5, mo Huhudi, Vryburg
HUHUDI – Mokgatlho wa basha wa Bokamoso Foundation o ne tsenetse dipuisanyo le baagi ba Ward 5, Naledi, go lemosa baagi ka tiriso –dikgoka ya bong e eleng tlhobaboroko, le matshwenyego a mangwe a a amang matshelo a baagi.
Tiro ene e tsenetswe ke ba Seteishene sa mapodise a Huhudi, Ba lefapha la Pholo le ba lefapha la katlaatlelo-loago.
Kemedi git swa ko lefapheng la Pholo, o ne a bua ka malwetsi aa tshelanang jaaka bolwetsi jwa thobalano mme, a supa fa bo kgona go alafega. Yo mongwe wa lefapha o ne a bua ka malwetsi a tshwana le measles, TB, COVID.
O ne a kaya ka botlhokwa jwa go nwa melemo go fitlha e fela. Se sengwe se eleng tlhoba-boroko ke tiriso ee botlhaswa ya diritibatsi. O kaile fa tiriso ya Hooka Pipe ele kotsi thata mo basheng.
Gone gape ga rotloediwa bomme go fepa masea ka mashi a letsele le botlhoka jwa teng.
Moneela-ditaolo wa seteishene sa mapodise mo Huhudi, o ne a bolela fa dikgetsi tsa tiriso-dikgoka ya bong, di ile kwa godimo mo Huhudi.