Modise Lobelo
VRYBURG – Mapodise a lekala la dintja (K9) kwa Vryburg, ka tshwaragano le ba ditirelo tsa lekgetho (SARS) le ba bokaedi jwa bosinyi jo bo kgethegileng (DPCI), ba tshware monna wa dingwaga di le masome a mararo le borobabobedi (38), mabapi le mokoa wa majalwa a a fitlhetsweng kwa madirelong a gagwe mo Vryburg ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le mararo, 2023.
Majalwa ao, a ne a tshwanetse go rekisiwa kwa dinageng di kwa ntle ga Aforika Borwa, mme jwa felala bo rekisiwa selegae, ka tlhwatlhwa tse di kwa tlase.
Mo letsholong leo la go phuruphutsha le go gapa, mapodise a ne a fitlhela didiriswa tsa mafaratlhatlha a tlhaeletsano ya dipeeletso tsa di”bitcoin”, le didiriswa tse di dirang motlakase.
Mo bojalweng jo bo fitlhetsweng, go lemosega fa dibotlolo tsa majalwa mangwe a ne a ntshiwa letshwao (labels) mme ga ngaparetswa matshwao a e seng one. Se, ele go dira gore, go seke ga lemosega fa ele bojalwa jo bo tshwanetseng go rekisiwa kwa ntle ga naga.
Go fitlhetswe: mabotlolo a le makgolo a robedi masome a mabedi le boroba bodedi, tsa Richelieu Export Brandy, di le masome masome a mabedi le bone (24) Richelieu Export Brandy tse go belaelwang ele tse di utswitsweng ka nako ya kgothoso kwa Germiston kwa porofenseng ya Gauteng.
Bojalwa jo bo thopilweng ke sepodise ke jwa boleng jo bo fopholediwang go R5.4M.
Mmelaelwa o ne a tlhagelela kwa kgotlatshekelo lekgetho labobedi ka Mosupologo 08 Motsheganong 2023.
Dipatlisiso tsa sepodise di tsweletse pele.