
Modise Lobelo
VRYBURG – Ba bookelo jwa Joe Morolong Memorial mo Vryburg, ba tsibosa setshaba ka selalome se se tsietsang batho, se ba tshepisa tiro kwa bookelong joo.
Go ya ka pego e e tswang ko Joe Morolong Memorial Hospital, go lebega go nale motho yo a itirang ekete o direla kwa bookelong. Motho yoo, o leletsa batho mme a ba tshepisi tiro. O tswa a batla madi a a kana ka R1500. Selalome se, se dirisa mogala wa dinomoro tsa 0608868097.
Fa o setse o tsieditswe ke leferefere le, o gakololwa go bula kgetsi kwa sepodiseng se se gaufi le wena.
Mophatlalatsa mafoko wa Bookelo o boleletse MORONGWA gore, bookelo bo tlaa nna bo phasalasa diphatlhatiro tse di nnang gone, mo makwalodikgang a selegae le a bosetshaba mme gape, le mo websaeting ya www.dpsa.gov.za
Fa o na le dipotso ka diphatlhatiro tsa Joe Morolong Memorial Hospital, o ka leletsa – 053 928 9000
053 928 9136
Enquiries: Captain Tlangelani Rikhotso