Ba le robedi kwa kgotlatshekelo ka ntlha ya polao
TAUNG – Babelaelwa ba le robonngwe ba ne ba tlhageletse fa pele ga ga Magistrata wa Taung gompijeno, 28 Diphalane 2024 ka ditatofatso tse di farologaneng.
Letlhogolo Mothobi (38) le Itumeleng Boikanyo (45) ba latofatswa ka go thopa ka dikgoka, maiteko a polao le tshenyo ya ka bomo ya dithoto
Othusitse Oshubile (31), Paul Kwati (43) le Ogopoleng Semau (33) – maiteko a polao, polao, le go fisa.
Thomas Morakanele (29), Tshepo Sekgetho (31) le Lesego Mongale (34) – go fisa.
Mmelaelwa wa bo robonngwe yo o letseng a tshwerwe maabane, Lebogang Morakabe (44) o latofatswa ka go thopa ka dikgoka, maiteko a polao le tshenyo ya ka bomo ya dithoto.
Mosetsanyana wa dingwaga di le 11, o ne a begwa a timetse ka la 15 Diphalane 2024 mme setopo sa gagwe sa bonwa ka la 17 Diphalane.
Ka 20 Diphalane 2024, go ne ga tsoga dikhuduego kwa Modutung kwa Magogong, mme mosadi mongwe wa ngaka ya setso o ne a tlhaselwa ka a ne a latofatswa ka polao ya mosetsanyana yo o neng a nyeletse. Ntlo ya mosadi ene ya jewa ka molelo mme a tlhokafala. Ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a tswa dikgobalo tse di masisi.
Lebenkele lengwe la mo motsing le ne la jewa ka molelo le go tseelwa dithoto.
Kgetsi e buseditswe morago go 04 Ngwanaatsele 2024, fa babelaelwa ba buseditswe kwa ntlolefitshwana.