September 11, 2025

Go thubetswe kwa tikatikwe ya pharakano ya masepala wa Naledi

VRYBURG – Mapodise a North West, a netefaditse fa go nnile le go thubelwa kwa tikatikwe ya pharakano ya Masepala wa selegae wa Naledi kwa Vryburg.
Moanamisamafoko wa mapodise mo North West, Borikadiri Sabata Mokgwabone, o boleletse MORONGWA gore, go thubetswe ka mafelong ano a beke.

“Mmelaelwa kgotsa babelaelwa ba tsene ka letlhabaphefo morago ga go fekeetsa batlhokomedi ba tshireletso. Go utswilwe madi aa seatleng, ga thubiwa didiriswa tsa mo ofising mme gape, ga tsewa ditokomane tse di rileng”, go kaile jalo Borikadiri Mokgwabone.

Ga go ope yo a tshwerweng mme mapodise a tsweletse ka dipatlisiso.

Kgabagare, masepala wa selegae wa Naledi, o itsisitse mo tsebengbya bone ya Facebook ka tiragalo e le gore, ga go kitla go bulwa ka la 28 Diphalane 2024.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *