TSHWANE – Monna wa dingwaga di le 61 o atlholetswe botshelo jotlhe kwa kgolegelong, morago ga go bonwa molato wa go betelela motlogoloagwe wa dingwaga di le lesome.
Monna yo ke moruti wa kereke ya Assemblies of God.
Leina la gagwe le tlaa kwadisiwa mo dibukeng tsa batlolamolao ba melato ya tsa thobalano.
Motswasetlhabelo o ne a dula le Moruti le mogatse yo eleng rakgadiagwe.
Moruti o ne a mo betelela mo ngwageng wa 2017, fa ba ne ba fudugela kwa lefelong le lesha kwa Mamelodi. Moruti o ne a tswa a laela motlogolo gore a seke a bolelela ope le gore ba itshamekel fela.
Nnete e ne ya senoga morago ga ngwaga ka Ngwanaatsele wa 2018, mme rakgadi a begela mapodise.
Moruti o ne a tshwarwa ka Tlhakole 2019 morago ga dipatlisiso.
Moruti o ne a itatola mme a bolelela kgotlatshekelo yabga Magistrata wa Pretoria gore, mosadi wa gagwe o mo epetse lemena.
Kgotlatshekelo e beditse dipaki di le mmalwa go akaretsa motswasetlhabelo, mangkge wa tsa kalafi, mossdi wa ga moruti go neela bopaki.
Ka nako ya tsheko, moruti o ne a ikopela gore Kgotlatshekelo e mo fe kotlhao e botlhoswana jaaka go dira sekwebo a le kwa gae.
Motshotshisi Annelizer Stiles o ne a gana mme a kaya fa pegelo go tswa go badirediloago e supile fa motswasetlhabelo a ne a amega thata le go retelelwa kwa sekolong, mo ebileng a nang le kgatelelo ya tlhaloganyo le maikutlo ka ntlha ya go betelelwa.
Mosadi wa moruti le ene o ne a kaya fa tiragalo e, e mo tlhobogantse le ba masika a ga moruti ka ba mo tshwaya phoso gore moruti a bo a tshwerwe.
Magistrata fa a rebola katlholo, o kaile fa moruti a ne a sa bontshe go ikotlaya. O rile moruti o ile a tsaya tshono go tsietsa ngwana yo a neng a mo tshepile.
Magistrata o ne a dumalana le motshotshisi mme a latlhela moruti kwa kgolegelong botshelo jotlhe.
(ela tlhoko: leina la moruti le ka se itsesiwe ka le ka ribolola gore motswasetlhabelo yo a leng kwa tlase ka dingwaga.)