September 11, 2025

BOBEDI BO TSHWERWE KA MOTSOKO

OTTOSHOOP – Banna ba babedi ba reboletswe “beile” morago ga go tshwarwa ka motsoko o o seng ka fa molaong kwa Zeerust.

Huan Chen (37) le Tshepo Lehokwa (22), ba ne ba tshwarwa ke mapodise ka Laboraro 30 Diphalane 2024 kwa Ottoshoop.

mme ba fitlhelwa ka motsoko o o seng ka fa molaong wa boleng jwa R560 000.00.

Baditirelo tsa matlhale ba Zeerust ba patilwe ke mapodise a dintja, mapodise a Ottosdal, ba ditirelo tsa makgetho, ba dipatlisiso tsa bosenyi jo bo kgethegileng le mapodise a Mahikeng, ba ne ba tshwara bobedi jo morago ga go longwa tsebe ke ba matlhale a tsa tshenyo. Mapodise a ne a sala motlhala wa sejanaga sa babelaelwa mobtseleng ya R49 e e magareng ga Ottoshoop le Mahikeng. Ba ne ba emisa sejanaga seo mme ba belaelwa ba retelelwa ke go kaya gore thoto ke ya ga mang mme ba tshwarwa.

Ba ne ba tlhagelela kwa kgotlatshekelo ka Labotlhano le Lamatlhatso fa ba ne ba neelwa beile. Ba tlaa tlhagelela gape kwa kgotlatshekelo ka Mosupologo 04 Diphalane 2024.

Mokomishinarabwa mapodise mo North West, Leftenet-General Sello Kwena o akgotse ba tsayakarolo botlhe.

Thoto ya motsoko o o seng ka fa molaong e e bonweng ke mapodise a kwa Ottoshoop.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *