HUHUDI – Mapodise a Huhudi a dira dipatlisiso morago ga polao ya mosaic wa dingwaga di le 40 kwa Monamodi Village.
Go ya ka sepodise, monna wa dingwaga di le 24, o ne a ineela kwa sepodiseng mosong ono mme a bega molato.
Pego ya sepodise e kaya fa mmelaelwa a ne a nna le ngangisano le mosadi wa dingwaga dile 40 mo letsatsin la Lamatlhatso bosigo go fitlha ka masa a letsatsi la Tshipi, 01 Tlhakole 2016. Ka nako ya ngangisano, mmelaelwa o ne a kgama mosadi go fitlha a neela mowa.
Mmelaelwa o tshwerwe mme o solofelwa go rotola matlho fa pele ga ga Magistrata wa Vryburg ka Laboraro 04 Tlhakole 2026 ka tatofatso ya polao.
Dipatlisiso tsa sepodise di tsweletse pele

No bail
Re lebogela tshedimosetso!