February 17, 2026
saps

VRYBURG – Kgotlatshekelo ya Vryburg ene e tletse phetelela gompieno fa monna wa dingwaga dile 24 a ne a tlhagelela ka tatofatso ya polao ya mosadi wa dingwaga dile 40.
Ti ka la 3 Tlhakole 2026 kwa Ext 1, Huhudi.

Go ya ka sepodise, Ompolokile Bekker o ne a ikisa kwa mapodiseng ka Labobedi 3 Tlhakole 2026 kwa go begwang a ne a ipobola.
Go ya ka sepodise, molatofadiwa o ne a isa mapodise kwa lefelong la tiragalo ko Mosadi wa dingwaga di le 40 o ne a fitlhelwa a tlhokafetse kwa ntlong nngwe kwa Ext.1, Huhudi.

Gompieno kwa kgotlatshekelo, kemedi ya semolao ya ga Bekker, e a e tlametsweng ke mahala ke puso, e boletse fa Bekker are o pateleditswe go ipobola.

Magistrata o buseditse kgetsi morago go Labone 19 Tlhakole 2026. Go solofelwa fa go tlaa bidiwa dipaki tse pedi eleng lepodise le le neng la kwadisa kgetsi, le Kolonele yo go kaiwang fa Bekker a dirileng boipobolo mo golone.

Molekgotla wa Ward 5, Pitso Gulane, o tlhagisitse matshwenyego a gagwe ka ka gore, dinokwane tse di bogisang baagi di rebolelwa “beile” mme ba ye fo dula kwa nafelong a Kagisano Molopo.
Mongwe wa baagi yo a boleletseng MORONGWA gore ke motswasetlhabelo wa ga Bekker, are o ntse a tshelela mo letshogong gonne ene le bana ba gagwe, ba kile a tlhaselwa ke Bekker mo nakong e e fetile. Are Bekker o tshwanelwa ke go dula kwa ntlolefitshwana gonne a tlhorontshitse setshaba.
Baagi ba ikaelela go boa ka boidiidi gape ka Labone go bontsha kemokgatlhanong ya gore Bekker a gololwe ka “beile”.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *