Modise Lobelo
CHRISTIANA – Mokhuduthamaga wa Tshireletsego ya Baagi le Dipalangwa Sello Lehari, o rometse molaetsa wa matshediso go ba masika a batswasetlhabelo ba kotsi ya sejanaga e e diragetseng mo kgweding ya Seetebosigo e rogwa mo tseleng ya R34. Go ya ka pego ya Lefapha, bana bale babedi ba dingwaga tse di kafa tlase ga lesome ba tlhokafetse fa khombi e e pegang morafe e ba neng ba e pagame e thula borogo kwa Bloemhof.
Ba ditirelo tsa tshoganyetso ba ne ba bilediwa kwa lefelong la kotsi mme morago ba bega fa bana bale babedi ba tlhokafetse ka ntlha ya dikgobalo. Lefapha le ne la rometse batlhankela ba tiragatso ya molao ba ba neng ba bega gore, bana ba bangwe ba bone dikgobalo tse di masisi mme ba rometswe kwa bookelong kwa Klerksdorp. “Thekesi ke e e rorang bana go tswa gae go ya sekolong le go boa, ele tumalano magareng ga batsadi le mong. Se, ga ese karolo ya thulaganyo ya sepalomo sa puso.” Sebueledi sa lefapha se kaile jalo.
Lefapha la Tshireletsego ya Baagi le dipalangwa, le boletse fa dipatlisiso di tsweletse pele.