VRYBURG – Baagi ba Extensions 25 le 28 mo kgaolong ya masepala wa selegae wa Naledi, ba simolotse petisene go ganetsa go kgaolelwa motlakase ka ntlha ya fa baagi ba retelelwa ke go duelela ditirelo tsa masepala.
Mokgatlho wa baagi wa South African National Civic Organisation (SANCO) mo kgaolong ya Naledi o eteletse pele kgato eno.
Mokwaledi wa SANCO mo Naledi, Tumisang Badise, o rile baagi ba dumela gore tsela e masepala o dirisang melao ka yone e gatelela mafelo a a humanegileng.
“Ga re a itumela ka tsela e melao ya masepala wa selegae wa Naledi e lebisang fela karolong e le nngwe mo Naledi, e leng Extensions 25 le 28. Seno se amana le go kgaolwa ga motlakase ka ntlha ya go sa duelelwe ga “dikoloto” tsa masepala,” go boletse jalo Badise.
Go ya ka petisene eo, baagi ba re maemo a itsholelo (economy) mo lefelong leo a dira gore malapa a le mantsi a palelwe ke go duelela ditirelo. Badise o boletse fa palo e nnye fela ya baagi e thapilwe, fa bangwe e le ba penshene kgotsa bašwa ba ba sa direng.
Badise gape o umakile molao o o laolang ditirelo tsa masepala:
“Seno se kgatlhanong le Municipal Systems Act 32 ya 2000, o o laelang gore bommasepala ba netefatse gore masepala o rebolela baagi ditirelo”
Petisene eo gape e kopa puisano e e tseneletseng ka mathata a thebolelo ya ditirelo mme e tshitshinya ditharabololo dingwe mo boemong jwa go kgaola motlakase. Gareng ga dikopo tse di tshitshintsweng ke kopo ya gore Eskom, e tseye maikarabelo a thebolo ya motlakase mo mafelong a a amegileng.
Baagi bare ba solofela gore bothati bo tlaa boisanela go bona tharabololo le baagi.
