
E, ke masalela a ntlo e go bolelwang baagi ba fiseditseng babelaelwa ba go gweba ka diritibatsi mo go yone kwa motseng wa Morokweng
Modise Lobelo
MOROKWENG – Mapodise a tshwere babelaelwa ba le lesome le bongwe ba kwa Morokweng, mabapi le polao ya banna bale bararo ba ba neng ba latofatswa ka go rekisa diritibatsi. Sebueledi sa mapodise mo North West, Borikadiri Sabata Mokgwabone o boleletse MORONGWA gore, babelaelwa ba tshwerwe ka nako ya letsholo la matlhale la go thibela bosinyi la makala a Setlhopha sa tsibogo (TRT), Mapodise a Tolamo Phatlhalatsa (POP) le matseka a dipatlisiso.
Banna ba le bararo ba go begwang fa batswa kwa Carltonville, Gauteng, ba ne ba tlhaselwa ke baagi kwa Morokweng
ka Labobedi kgwedi ya Motsheganong e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone. Boraro joo, bo ne bo latofatswa ka go rekisa diritibatsi mo motseng. Go begwa fa ba ne morago, ba swela mo ntlong e e neng ya jewa ka molelo. Baagi bale bararo ba ne ba gobadiwa ke boraro jo fa ba ne ba leka go tshaba go tswa mo ntlong e ba e hirileng. Balatofadiwa ba, ba ne ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo mme kgetsi ya busediwa morago go fitlha ka Seetebosigoetlhola malatsi a le mane, 2022 ka ditatofatso tsa polao, go thopa ka dikgoka le go tlhosetsa ka molelo.
Kgabagare, mapodise a rebotse maina a batswasetlhabelo ba ba neng ba tlhokafala fa ntlo e ba neng ba le mogo yone e tshwara molelo, bone ke, Bonakele Sabasaba (32), Khayalethu Sabasaba (22) le Zanaflex Sabasaba (26).