MOOPELWA O NEETSWE NGWAGA TSE ROBEDI
Pego ka Modise Lobelo
VRYBURG -Monna wa dingwaga dile 32 o atlholetswe dingwaga di le robedi ka tlhamalalo kwa ntlolefitshwana morago ga go bonwa molato wa petelelo.
Kgotlatshekelo-kgaolo ya Vryburg e atlhotse Lebogang Tontosi Abram Moopelwa morago ga gore diteko tsa DNA di mo gokaganye le kgetsi ya petelelo.
Kgotlatshekelo e ne ya utlwa gore ka letsatsi la 08 Mopitlwe 2022, Motswasetlhabelo yo eleng mossdi wa dingwaga dile 27 a ne a tswa Bazani go ya Phola Park kwa Huhudi fa a ne a tlhaselwa le go betelelwa.
Go ya ka bopaki jo bo tlhageletseng kwa kgotlatshekelo, Moopelwa o ne a tshosetsa Motswasetlhabelo ka thipa mme a mo betelela. Morago, Moopewa o ne a kgothosa Motswasetlhabelo ka go mo tseela diteki tsa “nike” le selfoun atswa a lebotsa phokoje.
Moopelwa o ne a tshwarwa ka 2 Diphalane 2025 morago ga dipholo tsa diteko tsa DNA.
