MOSEPELE O TSHWARISITSE MATLHOKO
TAUNG – Mogokgo wa pele wa kholeje kwa Taung, Motlagomang Prudence Matlhoko, o bonwe molato le go atlholwa ke kgotlatshekelo-kgaolo ya Taung bekeng eno.
Kgotlatshekelo e ribolotse gore, Matlhoko o ne a dira bonweenwee ka nako e a neng a dira kwa kholejeng jaaka mogokgo, magareng ga Diphalane le Sedimonthole 2017.
Moanamisamafoko wa lekala la diHawks mo North West, Leftenente-Kolonele Tinyiko Mathebula o beletse gore, matlhoko o ne a tsenya kopo e e fosagetseng kwa tirong gore, o nnile le mosepele a dirisa sejanaga ya gagwe. Dipatlisiso tsa diHawks di ne tsa fitlhelela gore, sejanaga sa ga Matlhoko, se ne se senyegile ka nako ya mosepele oo ebile se ke kwa lefelong lebgo baakanngwang dijanaga teng.
Dipatlisiso di ne gape tsa senola gore, Matlhoko o ne a dirisa sejanaga sa tiro mo mosepeleng oo, makgetho a le mabedi. Morago o ne a tsenya kopo ya tuelo ya mosepele kwa tirong mme a batla R17 000.
Matlhoko o ne a tshwarwa ka 2020 morago ga dipatlisiso.
O ne a gololwa ka “beile” mme a tlhagelela kwa kgotlatshekelo makgetho a le mmalwa.
Kgotlatshekelo e mo atlholetse go duela R12 000 kgotsa a tsene mo ntlolefitshwana dingwaga di le nne. Seripa sa katlholo e, se sekegilwe dingwaga di le tlhano fa ele gore ga a kitla a tshwarelwa molato o o ntseng jalo.