
Batshameki ba MAMUSA Karate Club jaaka ba ne ba emetse kgaolo ya bone kwa Durban bosheng
Mohau Maretele
MATLOSANA -Tonamente ya karati ya bo lesome le bongwe (11) e eneng e tshwaretswe ko Banquet hall kwa Klerksdorp ngwaga yono a simologa (2023), e kgontsitse gore maloko a Mamusa Karate Club a ikgapele dikgele mo go yone. Mamusa Karate Club, e e tswang mo masepaleng wa Mamusa mo motseng wa Ipelegeng, e diragaditse bontle mo dikarolong tse di farologaneng tsa metshameko e itsegeng ka Shinkyoukushinkai Karate. Mo dikgeleng tse di gapilweng, ka letsatsi la ntlha la tonamente, Mamusa Dojo e kgonne go tlhagelela mo maemong a boraro ka phenyo ya ga Resegofetse Seetelo, wa dingwaga tse di lesome(10). Seetelo o fentse mo karolong ya bomme ba ba ko tlase ga dingwaga tse di masome a mararo le botlhano (35). Motsaya karolo yo mongwe wa Mamusa Karate Club Phemelo Moemi wa dingwaga tse robongwe(9) o tswile mo maemong a bone mo motshamekong yo o kgethegileng wa batho ba mmele o bokete. Ka letsatsi la bobedi ebile e ne e le la bofelo la dikgaisanyo, batsaya-karolo ba bangwe ba setlhopa se, ba kgonne go bona phenyo e e ba kgontshitseng go ya go lwana ko profenseng ya KwaZulu Natal ko Durban ka kgwedi ya Motsheganong, e tlhola malatsi a le matlhano. Kwa Durban, e ne ya nna kgaisano e mo go yone Resegofatso Seetelo a ileng a kgapela maemo a bobedi mo batshameking ba bokete jo bo kwa tlase ga nasome a mararo fa Reatlegile Mohalalelwa a ne a tswa ka maemo a bone mo dikgaisanong tsa batshameki ba bokete mmele o o kwa tlase ga masome a mabedi le botlhano. Batsaya-karolo b aba falotseng kwa Durban, ba ne ba gaisanela go ya go lwana kwa nageng ya Japan fa ngwaga ono o ya fifing ka kgwedi ya Diphalane.
Motlhatlhami wa setlhopa se, Kabelo Seetelo o tlhalositse gore go dira ka thata le go baya mo go Ramasedi ke sone se ba kgontshitseng phitlhelelo eo. A re maitshwaro a mantle a batshameki le ikatiso e e tseneletseng di tsere karolo mo go seo ba se fentseng.