
Setlhopha sa Mamusa Karate Club, ka dikgele tse ba di fentseng bosheng jaana
MATLOSANA – Tonamente ya karati ya bolesome le bongwe (11) e eneng e tshwaretswe ko Banquet hall ko Klerksdorp mo mafelong a beke a di 4 go fitlha ka di 5 tsa kgwedi ya Mopitlwe 2023, e kgontsitse gore maloko a Mamusa Karate Club a ikgapele dikgele mo go yone.
Mamusa Karate Club, e e tswang mo masepaleng wa Mamusa mo motseng wa Ipelegeng, e diragaditse bontle mo dikhathekoring tse di farologaneng tsa tonamente e itsagaleng eo ya Shinkyoukushinkai Karate.
Mo dikgeleng tse di gapilweng, ka letsatsi la la ntlha la tonamente, Mamusa dojo e kgonne go tlhagelela mo maemong a boraro ka phenyo ya ga Resegofetse Seetelo (10) yo o fentseng mo khathekoring ya divishene ya basadi ba ba ko tlase ga dingwaga tse 35. Motsaya karolo yo mongwe wa Mamusa Karate Club Phemelo Moemi (9) o tswile mo maemong a bone mo divisheneng ee kgethegileng ya batho ba mmele o bokete.
Ka letsatsi la bobedi ebile ene ele la bofelo la tonamente, batsayakarolo ba bangwe ba setlhopa se ba kgonne go bona phenyo e e ba kgontshitseng go ya go lwana ko profenseng ya KwaZulu Natal ko Durban ka kgwedi ya Motsheganong. Ko Durban etlabe ele tonamente e mo go yone batsayakarolo botlhe ba tlabeng ba gaisanela go ya go lwana ko nageng ya Japan fa ngwana ono o ya fifing ka kgwedi ya Diphalane.
Motlalhami wa setlhopa se, Kabelo Seetelo o tlhalositse gore go dira ka thata le go baya Modimo ko pele ke gone go ba kgontshitseng phitlhelelo eo. A re maitshwaro a mantle a maloko a setlhopa sa gagwe le ikatiso ee tseneletseng le tsone di tseile karolo mo go seo ba se fentseng.