June 7, 2026
WhatsApp Image 2026-02-04 at 19.29.54

VRYBURG – Baagi ba kgaolo ya Dr Ruth Segomotsi Mompati (RSM) ba iphitlhela ba le mo mogoteng o mogolo gompieno, jaaka dithempereitšhara di tlhatlogile go feta 35°C mo mafelong a le mmalwa.

Go ya ka tshedimosetso ya Tirelo ya maemo a bosa mo Aforika Borwa ((SAWS), themperetshara kwa Taung e kwa godimo thata ka mogote jaaka ele mo go 38°C, e latelwa ke Christiana ka 36°C, Bloemhof ka 35°C le Vryburg ka 36°C. Morokeng A e ne e mo go 34°C, Morokweng B ka 35°C, fa Ganyesa e le 34°C. Mafelo mangwe jaaka Christiana ke 34°, Schweizer-Reneke ke 34°.

Mogote ono o o feteletseng o dira gore maemo a nne boima e bile a ka tsenya botshelo mo kotsing, segolo thata mo nakong tsa motshegare.

Go lebeletswe gore thempereitšhara di ka simolola go fokotsega morago ga ura ya bo 19h00 fa letsatsi le simolola go phirima.

Baagi ba gakololwa thata go tila go tsamaya kgotsa go dira ditiro mo letsatsing, segolo magareng ga motshegare le maitseboa fa mogote o le kwa godimo thata.

Go kgothadiwa gore batho ba nwe metsi ka bontsi, go apara diaparo tse di bobebe le tse di mmala o o bofefo, gape ba batle moriti kgotsa ba nne mo matlong fa go kgonega. Batho ba ba mo kotsing e kgolo, go akaretsa bagodi, bana, batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng le badiri ba kwa ntle, ba ka tshwarwa ke malwetse a a bakwang ke mogote jaaka go lapa thata kgotsa go tsekela.

Badiri ba masimo, ba kago le ba bangwe ba ba dirang kwa ntle ka lobaka lo loleele ba kopiwa go ikhutsa kgapetsakgapetsa, go dira ditiro mo dinakong tse di tsididi, le go batla thuso ya kalafi ka bonako fa ba itemogela matshwao a jaaka go teswa ke sedidi, go fufulelwa thata, go opiwa ke tlhogo.

Baagi gape ba gakololwa gore ba se ka ba tlogela bana kgotsa diphologolo mo dikoloing tse di emeng, le fa e ka nna ka lobaka lo lo khutshwane, ka gonne mogote mo teng ga koloi o ka tlhatloga ka bonako mme wa nna kotsi mo botshelong.

Leave a Reply

Your email address will not be published. Required fields are marked *

Verified by ExactMetrics